2 Corinthians 13

Tlhagiso ya bofelo

1Lo ke lobaka lwa boraro ke ntse ke lo etela. Dikwalo di re bolelela gore fa ba le babedi kgotsa ba le bararo ba bone phoso, e tshwanetse go otlhaelwa. [(Se ke tlhagiso ya me ya boraro jaaka ke tlaa bo ke lo etela)]. 2Ke setse ke tlhagisitse ba ba neng ba leofa fa ke ne ke le koo mo lobakeng lo lo fetileng; jaanong ke tlhagisa gape le botlhe ba bangwe fela jaaka ke dirile, gore ka nako e, ke tla ke ipaakanyeditse go otlhaya thata ebile ga nke ke ba rekegela.

3Ke tlaa lo naya bosupi jotlhe jo lo bo batlang gore Keresete o bua ka nna. Keresete ga a bokoa mo go dirisanyeng ga gagwe le lona, mme ke ene nonofo e kgolo mo go lona. 4Mmele wa gagwe wa setho o o bokoa o sule mo mokgorong, mme jaanong o tshela ka nonofo e kgolo ya Modimo. Le rona, re bokoa mo mebeleng ya rona, fela jaaka a ne a ntse, mme jaanong re a tshela re bile re na le nonofo yotlhe ya Modimo go e dirisa mo go dirisanyeng le lona.

5Itshekatshekeng, a lo Bakeresete tota? A lo fenya tlhatlhobo? A lo ikutlwa bolengteng jwa ga Keresete le nonofo gantsi mo go lona, kgotsa lo ipaya fela jaaka ekete lo Bakeresete ntswa lo se bone gotlhelele? 6Ke solofela gore lo ka dumela gore ke emelane le tlhatlhobo eo mme ka boammaaruri ke wa Morena.

7Ke rapela gore lo tshele matshelo a a siameng e seng ka ntlha ya gore re tla bonala, re supa gore se re se rutang se siame; nnyaa, gonne re batla gore lo dire tshiamo ntswa rona re nyadiwa. 8Maikaelelo a rona ke go kgothatsa ka nako tse tsotlhe, e seng go solofela bosula.

9Re itumelela go nna bokoa le go nyadiwa fa tota lo nonofile. Keletso ya rona e kgolo le thapelo ke gore lo nne Bakeresete ba ba nonofileng.

10Mme ke lo kwalela se jaanong ka tsholofelo ya gore ga nkitla ke omana kgotsa ke otlhaya fa ke tla, gonne ke batla go dirisa taolo ya Morena e o e nneileng, e seng go lo otlhaya mme e leng go lo nonotsha.

11Ke fetsa lokwalo lwa me ka mafoko a a bofelo. Itumeleng. Golang mo Moreneng. Tlhokomelang se ke se buileng. Nnang ka kutlwano le kagiso. A Modimo o o lorato le kagiso o nne le lona.

12Dumedisanyang mo Moreneng ka lorato. 13Bakeresete botlhe fano ba a dumedisa thata. 14A tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le lona lotlhe. A lorato lwa Modimo le botsa-lano jwa Mowa O O Boitshepo e nne tsa lona.
Copyright information for TsnLEF